Go tlhaloganya le go tlhokomela batho ba ba nang le Bolwetse jwa tlhaloganyo
Ke fa kae? Ke ne ke nagana gore ke legae la me le.
Kanelo:
Batho ba ba nang le Bolwetse jwa tlhaloganyo ba na le matshwao a a latelang:
Go lebala
Go nagana go go sa tlhomamang le maitseo a a sa tlhomamang
Go retelelwa ke go dira ditiro tse di bonolo
Go boeletsa mafoko
Ditlhako tsa me di kae? Gongwe mongwe o di utswitse.
Bona rremogolo, di setse di le mo maotong a gago.
Kanelo:
Batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa tlhaloganyo ba ka lebala dilo tse di bonolo fela
Re ya leng gae? X2
Nwaya tee pele e be e le gone o yang gae.
Kanelo:
Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba a etsaetseega segolobogolo fa ba le mo tikologong e ba sa e itseng kgotsa e e farologaneng mme ba botsa dipotso di le dingwe.
A rremogolo wa gago o dira jaana ka metlha?
Fa a hutsafetse o tlhakatlhakanya mafoko mme ga a bue sentle.
Kanelo:
Ka dinako dingwe batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba latlhegelwa ke taolo mme ba ka bua kgotsa ba dira dilo tse ba sa di buang kgotsa ba sa di dira pejana.
Ga se nnete! Ke e apere lwantlha gompieno.
Mme e setse e le beke o apere mosese oo jaanong!
Kanelo:
Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba ka tlhola ba apere diaparo di le dingwe mme ba pateletsa fa ba le phepa ka gone ga ba gopole fa ba ne ba di apara.
Mme ke morwadio yo mogolo Thembi.
O maaka e bile o legodu! O dirile eng ka morwadiaka e bile phese ya me e kae?
Kanelo:
Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ka dinako dingwe ga ba tshepe sepe e bile ba go pateletsa gore ga o ikanyege.
Nka dirang ka mmê wa me? O a timela, ga a tlhape mme o re pateletsa gore re a sotlaka.
Go na le tliliniki mo mmileng o o latelang mme go na le badiri ba ba katisitsweng ba ba ka buang le lona ka bobedi. Gongwe gape ba ka le thusa ka kalafi e e maleba mme ba go nolofaletsa maemo.
Kanelo:
Fa motho yo o mo itseng kgotsa yo o mo ratang a na le mathata o tshwanetse go mo isa kwa tliliniking e e gaufi kgotsa ngakeng. Go na le malwetsi a mantsi a a nang le matshwao a a tshwanang, a a ka alafegang.
Netefatsa gore batsofe botlhe ba ja dijo tse di siameng le go nwa metsi a a lekaneng.
Kanelo
Batsofe botlhe ba tshwanetse go nwa dilekanyi tse di kwa tlase tsa tagi mme nako nngwe ba seka ba e nwa gotlhelele.
Goreng o sa batle mmê wa gago a etele ausi wa gago?
Mo nakong e e fetileng ke mo dumeletse go eta, o ne a sa kgone go nnisega. O ne a sa tlwaela tikologo mme a tlhakatlhakana le go hutsafala. O kare go tla thusa fa le nna ke le koo, ka jalo ga a sa tlhole a tla ya koo a le nosi.
Kanelo
Dirisa batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo dilo tsa tlwaelo gore ba itse gore ba solofele eng le go nna mo tikologong e ba e tlwaetseng e ba ka golaganang le yone
Koko ke a bona gore tlhaloganyo e a go tshwenya mo matsatsing a. Ka gongwe boboko jwa gago bo a tsofala mme o na le tshwaetso e e ka alafegang.
Tlhaloganyo ya me e ntshwenya thata mo matsatsing a. Ga ke kgone go gopola dilo tse dintsi.
Kanelo
Batsofe ba tlhoka tlhaloso e e fodileng ka ga se se ba diragalelang gore ba kgone go tlhaloganya gore go lebala go nako nngwe go tlisiwa ke botsofe.
O seka wa tshwenyega Koko. Mo tliliniking mo ba go tlhatlhobile mme ba lemogile fa e le botsofe fela. Fela o seke wa tshwenyega, re a go rata e bile re tlhaloganya maemo a gago.
Kanelo
Batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo ba hutsafadiwa bonolo ke bokoa jwa bone mme ba batla go netefaletswa gore ba santse ba ratiwa le go akgolwa.
Koko o ka se nne mo setulong seo letsatsi lotlhe le matsatsi otlhe. Tla o nthuse go obola ditapole ka mo khitšhing.
Rotloetsa batsofe go dira ditiro tse di bonolo tsa letsatsi le letsatsi tse ba ka di kgonang jaaka go nosetsa tshingwana, go obola merogo le ditiro tse dingwe tse di botlhofo.
O obotse tapole e le nngwe fela mme o ikgatlha ka ga seo mme o bona fa a tlhokega e bile a ratiwa mo gae.
Ke thusa mmê go loga dilo tse di bonolo jaaka dikobo mme seo se dira gore a dire sengwe letsatsi lotlhe.
Kanelo
Seo se dira gore ba ikutlwe ba akgolwa e bile ba kgotsofetse.
Mme, tla ke go thuse go tswa mo bolaong mme o apare. Mme re tla ya go ja motogo o o monate o ke go diretseng one.
Kanelo
Fa bolwetse jwa tlhaloganyo bo etegela batsofe ba ka lebala thata. Ba ka nna bonya thata mme ba batla tlhokomelo thata le dinako.
Ke mo tlogetse kwa lontšheng go ikhutsa. O tla nna sentle mo nakong e khutshwane mme o tla tswa.
Kanelo
O se tshwenyege ka batho ba ba nang le bolwetse jwa tlhaloganyo. O seke wa ngangisana le bona kgotsa go ba felela pelo ka ntlha ya fa seo se tla baka ketsaetseego.
Ga go bonolo go bona motho yo re mo ratang a latlhegelwa ke tlhaloganyo le bokgoni.
Gopola gore batsadi ba ba tsofetseng ba gago kgotsa ditsala ga ba kgone go tlhagisa gore ba ikutlwa jang ka ga wena, le gore ba ne ba ikutlwa jang ka ga wena mme ba tlhoka lorato le thuso ya gago mme seo se dira pharologano mo go bone.
